Romans 7

Sekai ka nyalo

1A ga lo ise lo bo lo tlhaloganye, bakaulengwe ba Sejuta ba ba rategang mo go Keresete, gore fa motho a a swa, molao ga o sa tlhole o mo tlama?

2Mmang ke tshwantshe: Fa mosadi a nyalwa, molao o mo golegelela mo monneng wa gagwe fela fa a sa ntse a tshela. Mme fa monna a a swa, mosadi ga a sa tlhole a golegeletswe mo go ene; melao ya lonyalo ga e sa tlhole e mo ama. 3Mme o ka nna a nyalwa ke monna o sele fa a rata. Moo go ne go tlaa bo go sa siama fa monna a ne a sa ntse a tshela, mme go siame sentle fela fa monna a sule.

4“Monna wa gago,” mong wa gago e kile ya ne e le molao wa Sejuta; mme o ne wa “swa” jaaka o ka re o swa le Keresete mo mokgorong; mme ka o “sule”, ga o sa tlhole o “Nyetswe ke molao,” le gone molao ga o sa tlhole o na le taolo mo go wena. Mme o ne wa boela mo botshelong gape fa Keresete a rula, jalo he o motho yo mosha. Mme jaanong o “nyetswe,” go bua jalo ke raya gore, o nyetswe ke yo o tsogileng mo baswing, gore o tle o ungwe loungo lo lo siameng, ke gore ditiro tse di siameng tsa Modimo. 5Erile fa tlholego ya lona e kgologolo e sa ntse e dira mo nameng, dithato tsa boleo di ne di dira mo go lona, di lo batlisa go dira sengwe le sengwe se Modimo o neng o re lo seka lwa se dira, lo ungwa ditiro tsa boleo, loungo lo lo bolayang lwa loso. 6Mme jaanong ga lo sa tlhole lo tlhokana le go tshwenyega ka melao ya Sejuta le ngwao gonne lo ne lwa “swa” lo sa ntse lo le mo botshwarongjwa yone, mme jaanong lo ka direla Modimo tota; eseng ka tsela e kgologolo e ka yone lo neng lo obamela melao ka fa go batlwang ka teng, mme e leng ka tsela e ncha, (lo o obamela ka bojotlhe jwa dipelo tsa lona le maikutlo).

Sebe

7Mme jalo, a ke raya gore melao e ya Modimo e bosula? Nnyaa ga ke rialo! Molao ga o boleo gonne ke one molao o o mpontshiteng sebe sa me. Nkabo ke ile ka seka ka itse sebe se se mo pelong ya me, dithato tse di bosula tse di fitlhegileng mo go yone fa molao o ne o sa re, “O seka wa nna le dithato tse di bosula mo pelong ya gago.” 8Mme sebe se dirisitse molao o kgatlhanong le dithato tse di bosula ka go nkgakolola gore dithato tse di ntseng jalo ga di a siama ebile di tsosa mefuta yotlhe ya dithato tse di sa letlelelweng mo go nna! Fela fa go ne go sena melao e e ka rojwang go ka bo go sena boleo.

9Ke sone se ke neng ke ikutlwa sentle fa ke sa tlhaloganye se tota molao o neng o se batla. Mme erile fa ke sena go ithuta boammaaruri, ke ne ka lemoga gore ke robile molao ebile ke moleofi yo o tshwanetseng go swa. 10Mme ka fa ke lemogileng ka teng, molao o o molemo o o neng o tshwanetse go ntshupegetsa tsela ya botshelo o ne wa dira gore ke atlholelwe loso. 11Sebe sa ntsietsa ka go tsaya melao e e molemo ya Modimo se e dirisa go nkatlholela loso. 12Le fa go ntse jalo, lemoga gore molao ka bo one o ne o siame ebile o le molemo.

13Mme moo go ka diragala jang? A molao ga se one o o dirileng gore ke atlholelwe loso? Mme jaanong molao o ka nna molemo jang? Nnyaa, e ne e le sebe, ke selo sa bo-Satane, se se dirisitseng se se neng se le molemo go lere katlholo ya me. Jalo o ka bona ka fa maikaelelong a sone a a bosula go bolaya le go atlholela loso. 14Molao o molemo, jalo he, molato ga o mo molaong o mo go nna, gonne ke rekisitswe mo botlhankeng jwa sebe jaaka monngake.

15Ga ke itlhaloganye gotlhelele, gonne tota ke batla go dira se se molemo, mme ga ke kgone. Ke dira se ke sa se rateng go se dira, se ke se ilang. 16Ke itse sentle gore se ke se dirang ga se a siama, le letswalo la me le le sa siamang le supa gore ke dumalana le melao e ke e robang.

17Mme ga ke kgone go ithusa, gonne ga se nna ke se dirang. Ke sebe se se mo go nna ke sone se nonofileng go mpheta, ke sone se ntirisang dilo tse di bosula tse.

18Ke itse gore ke bodile e le ruri ka ntlha ya tlholego ya me e kgologolo ya boleo. Le fa ke re ke leka go tilela kae, ga ke kgone go itira gore ke dire tshiamo. Ke a rata mme ga ke kgone. 19Fa ke batla go dira molemo ga ke o dire; mme fa ke leka gore ke se ka ka dira bosula, ke a bo dira.

20Jaanong fa ke dira se ke sa rateng go se dira, go bonala sentle kwa molato o leng teng: Sebe se santse se nngaparetse ka bosula jwa sone.

21Go bonala e le boammaaruri jo bo leng teng mo botshelong gore fa ke batla go dira se se siameng, ke hekeetsega go dira se se sa siamang. 22Ke rata go dira go rata ga Modimo fela kafa tlholegong yame e ncha e ntseng ka teng; 23
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Baroma 7:25.
24
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Baroma 7:25.
25
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Baroma 7:23-25.
mme go na le selo sengwe mo botennye jwa me, mo tlholegong ya me e kgologolo, se se tlhabanang le tlhaloganyo ya me, mme se ntira motlhanka wa boleo jo bo sa ntseng bo le mo go nna. Mo tlhaloganyong ya me ke batla go nna motlhanka wa Modimo yo o ikemise-ditseng go dira go rata ga one mme mo boemong jwa moo ke iphitlhela ke sa ntse ke le motlhanka wa boleo. Jalo lo bona ka fa go ntseng ka teng: Botshelo jwa me jo bosha bo mpolelela gore ke dire molemo, mme tlholego e kgologolo e e sa ntseng e le mo go nna e rata go leofa. Oo, ke mo bothateng jo bo boitshegang jang! Emang yo o tlaa nkgololang mo botlhankeng jo jwa tlholego e ya loso. Ke leboga Modimo! Gonne go setse go dirilwe ke Keresete Morena wa rona. O nkgolotse.
Copyright information for TsnLEF